Koko o tsietsa Phakalane - African Storybook Project

Koko o tsietsa
Phakalane
Nathan Higenyi
Setswana
Bogologotala Koko le Phakalane e
ne e le ditsala. Ka letsatsi le lengwe
Phakalane o ile a fitlhela Koko a
ikhutsitse mo tlase ga setlhare a
tswa mabenkeleng. Koko o ne a eme
ka leoto le le lengwe.
1
“Leoto la gago le lengwe le kae?”,
Phakalane a botsa Mokoko.
2
“Ralebenkele o kgaotse leoto la ka
mme a mpha dikgetsi tse di tletseng
dijo tse mo boemong,” Mokoko a
bolelela Phakalane.
3
Phakalane a botsa Mokoko gore a le
ene a ka dira jalo.
Le ene o ne a batla kgetse ya dijo.
Mokoko a dumela.
4
Phakalane o ile a ya go ralebenkele
mme a kopa gore a mo kgaole leoto
mme a mo fe kgetse ya dijo mo
boemong. Ralebenkele o ile a
dumela.
5
Phakalane o ile a tlola-tlola ka leoto
le le lengwe go ya gae. Mme fela o
ne a itumeletse dilo tse ralebenkele
o neng a mo file tsone.
6
Fa Phakalane a fitlha kwa gae, o ile a
fithela Mokoko a nale maoto a
mabedi.
7
Phakalane o ne a tenegile mme a
lelekisa Mokoko. Mme fela a se mo
tshware.
Ka jalo, Phakalane o dula a batlana
le bana ba dikoko. Fa a tshwara
mongwe wa bone, o a ba ja.
8
Koko o tsietsa Phakalane
Writer: Nathan Higenyi
Illustr
Illustration:
ation: Rob Owen
Translated By: Lor
Lorat
ato
oT
Trrok
Language: Setswana
© African Storybook Initiative, 2015
This work is licensed under a Cr
Creativ
eativee Commons A
Attribution
ttribution
(CC-B
(CC-BY
Y 4.0) V
Version
ersion 4.0 International Licence
Disclaimer: Y
You
ou ar
aree fr
free
ee tto
o download, cop
copyy, tr
translate
anslate or adapt this st
stor
oryy and use the
illustr
illustrations
ations as long as yyou
ou attribute or cr
credit
edit the original author/s and illustr
illustrat
ator/s.
or/s.